MOLAOTLHOMO
WA BOJALWA
Diteng
DITLHALOSO, MAIKALELO, GO DIRAGATSA LE GO RANOLA MOLAO 5
Ditlhaloso
Maikaelelo a Molao
Go diragadiwa ga Molao o
PHOLESI YA BOSETŠHABA KA GA BOJALWA
Go laola madirelo a bojalwa
Dingwao le mekgwa ya maemo a boitsholo tsa bosetšhaba ka ga melao ya porofense ya go laola merero ya bojalwa
Go laola dipiriti tse di metheleitilweng, metswako e e tlhakatlhakaneng ya dibese le metswako ya tatso
Go romela, go duta le go supa bojalwa mo pontsheng
Go sirelediwa mabapi le go thapiwa mo madirelong a bojalwa
Maparego a go thibela go rekisa kgotsa go aba bojalwa go setšhaba
Mabaka a a laolang dipapatso
Go thibela go abela bana bojalwa
Go aba bojalwa kwa mafelong a bo sa dumellwang kwa go ona
Go thibela ga botagwa le maitsholo a a sa amogelesegeng
Go tswalwa ga ditsha tse di kwadisitsweng le tse dingwe
GO KWADISA LE GO REBOLA DILAESENSE
Batitiedi le baphasalatsi ba ba tshwanetseng go kwadisiwa
Mabaka a go dumelelang go kwadisiwa
Mefuta ya go kwadisiwa
Kopo ya go kwadisiwa
Mabaka a a letlang go kwadisiwa
Tshweetso ya Tona
Setifikeiti, nako ya paka ya sona, le kitsiso ya botlhe ka ga go kwadisiwa
Go fetisediwa ga go kwadisiwa
Go fetolwa ga maemo a ditiragalo tse di kwadisitsweng
Loso, go jelwa thoto kgotsa bokowa jwa mmele wa motho yo o kwadisitsweng
Madi a go kwadisiwa a a duelwang ngwaga le ngwaga
Tona e ka oketsa maemo a laesense e e rebotsweng
Go phimolwa
Go phimolwa ka go ithaopa
Go phimolwa ka ntlha ya go jelwa thoto, go tswala kgwebo kgotsa go e phatlhalatsa
Go sekasekwa ga ditshweetso ya Tona
Buka ya direkoto tsa bosetšhaba tsa go kwadisiwa
GO OBAMELA MOLAO O
Maemo a batlhatlhobi
Tiro ya batlhatlhobi
Go tsena ka tetla ya go tsena
Go tsena kwa ntle ga tetla ya go tsena
Go dirisa dikgoka
Boikarabelo jwa go ntsha dikwalo, go araba dipotso le go thusa motlhatlhobi
Dikitsiso tse di tshwanetseng go obamelwa
Go ngongoregela kitsiso ya go obamela
Boikuelo mo ditaelong tsa Tona
GO TLOLA MELAO LE DIKOTLHAO
Go tlola molao mabapi le batlhatlhobi
Go tlola melao le dikotlhao
Go latofatsa batho ba ba kwadisitsweng ka ditatofatso tsa bosenyi
Kotlhao ya difaene tsa botsamaisi
KHANSELE YA PHOLESI YA BOSETŠHABA KA GA BOJALWA
Go tlhomiwa ga Khansele
Go tlhamiwa ga Khansele
Ditiro tsa Khansele
Tsamaiso
MELAWANA LE DIKITSISO
Go ela tlhoko boitekanelo jwa botlhe
Dithata tsa go phasalatsa melawana le dikitsiso
Mokgwa wa tsamaiso fa go gololwa melawana
DITSHIAMELO TSA KAKARETSO
Go lekanyetsa melato
Go aba dithata
Thulaganyo ya go fetolela le go phimola melao
Go fetisetsa dilaesense tse di leng teng
Setlhogo se se khutshwane le letlha la go simolola
DITSHIAMELO TSA GO FETOLELWA
Ditlhaloso
Dikgotlang tsa go fetolelwa
Ditshweetso tse di dirilweng go ya ka mabaka a karolo ya bo 51 ya Molao wa Bojalwa, wa 1989
Ditumelelo tse di abilweng go ya ka mabaka a karolo ya bo 158 ya Molao wa Bojalwa, wa 1989
Dikopo tsa pele ga go simolola go diragadiwa ga Molao o
Bagwebi ba ba mo sekgaleng se se kganetsweng go dikologa setsha
GO PHIMOLA MELAO
KGAOLO YA BO 1
DITLHALOSO, MAIKAELELO, GO DIRAGATSA LE GO RANOLA MOLAO
Ditlhaloso
Mo Molaong o, kwa ntle ga fa diteng di kaya ka mokgwa mongwe -
melao e e tshwanetseng ya diporofense" e tlhalosa melao e e tlhamilweng ke kgotlatheomolao ya porofense, -
a e e laolang batitiedi-potlana ba bojalwa, kgotsa bagwebi ba ba rekisang bojalwa, le b e e lepalepanang le ditlhokego tsa mabaka a karolo ya bo 5;
biri" e akaretsa -
a eile, saeta le setaoto; le b seno sengwe le sengwe se se titietsweng, kwa ntle ga bojalwa jwa mabele, -
i jo bo titietsweng e le, kgotsa jo bo rekisiwang ka leina la, biri, eile, saeta kgotsa setaoto, fa bo tsentswe metswako e e fetang phesente e le nngwe ya bontsi jwa tagi; kgotsa ii jo bo goeleditsweng gore ke biri go ya ka mabaka a karolo ya bo 502a;
lefapha" le tlhalosa lefapha le le rweleng boikarabelo jwa merero ya bojalwa mo legatong la bosetšhaba la Mmuso;
go phasalatsa" go tlhalosa go rekisa kgotsa go aba bojalwa go mophasalatsi kgotsa mogwebi yo o rekisang bojalwa;
mophasalatsi" go tlhalosa motho yo o kwadisitsweng yo o rekang bojalwa go tswa mo motitieding kgotsa mophasalatsing, go bo rekisetsa mophasalatsi yo mongwe kgotsa mogwebi yo o rekisang bojalwa ka bontsi jo bo fetang selekano se se laetsweng;
Mokaedikakaretso" o tlhalosa Mokaedikakaretso wa Lefapha;
ngwaga wa ditšhelete" o tlhalosa ngwaga wa khalenda o o simololang mo letsatsing la ntlha la Moranang mme o khutla mo letsatsing la bofelo la kgwedi ya Mopitlwe;
setlamo" se tlhalosa motho yo o abetsweng dithata tsa semolao, mokgatlho kgotsa terasete;
motlhatlhobi" o tlhalosa motlhatlhobi yo o abetsweng dithata go ya ka mabaka a karolo ya bo 32 ;
bojalwa" bo tlhalosa -
a kuno ya bojalwa, jaaka e tlhalositswe go ya ka mabaka a karolo ya bo 1 ya Molao wa Dikuno tsa Bojalwa, wa 1989 Molao wa Nomoro ya bo 60 wa 1989;
b biri kgotsa bojalwa jwa mabele;
c sepiriti se se metheleitilweng; kgotsa d motswako mongwe le mongwe kgotsa seno se se goeleditsweng gore ke bojalwa go ya ka mabaka a karolo ya bo 502a;
motitiedi" go tlhalosa motho yo o -
a rekang bojalwa go tswa kwa mafatsheng a boditšhabatšhaba le go bo tshela mo mabotlolong gore a bo rekisetse mophasalatsi kgotsa mogwebi yo o rekisang bojalwa; kgotsa b tlhagisang bojalwa, kgotsa yo o tshelang bojalwa jo bo titietsweng mono gae mo mabotlolong, go bo rekisetsa mophasalatsi kgotsa mogwebi yo o rekisang bojalwa ka bontsi jo bo fetang selekano se se laetsweng;
sepiriti se se metheleitilweng" se tlhalosa -
a sepiriti se se gamotsweng metswako ya tlhago go tsamaelana le molao mongwe le mongwe o o ka ga go gamola metswako ya tlhago kgotsa go metheleita dipiriti;
b sepiriti sengwe le sengwe se se gamotsweng metswako ya tlhago, go akarediwa le -
i sepiriti se se tswakilweng ka melemo; kgotsa ii sepiriti se se gamotsweng metswako ya tlhago se se goeleditsweng gore ke sepiriti se se metheleitilweng go ya ka mabaka a karolo ya bo 502aii;
motitiedipotlana" go tlhalosa motho yo o -
a rekang bojalwa go tswa kwa mafatsheng a boditšhabatšhaba go bo rekisa; kgotsa b tlhagisang kgotsa yo o tshelang bojalwa mo mabotlolong go bo rekisa ka bontsi jo bo lekanang le, kgotsa jo bo kwa tlase ga selekano se se laetsweng;
Tona" e tlhalosa tokololo ya Kabinete e e rweleng boikarabelo jwa merero ya bojalwa mo legatong la bosetšhaba la Mmuso;
ngwana" go tlhalosa motho yo a iseng a fitlhelele bogolo jwa dingwaga di le 18, kgotsa go feta bogolo jo bo laetsweng ka molao o o tshwanetseng wa diporofense;
setsha" se akaretsa lefelo lengwe le lengwe, lefatshe, moago kgotsa dikago tse di fetoletsweng semolao, kgotsa karolo nngwe le nngwe ya tsona;
go laela" go kaya go laela semolao;
bontsi jo bo laetsweng" bo tlhalosa bontsi jo bo laetsweng ke Tona go ya ka mabaka a karolo ya bo 3 ;
boganka mo mafelong a botlhe" bo akaretsa -
a go ngala tiro, go tswalelwa kwa ntle kgotsa go dira ditshupetso tse motlhatlhobi a nang le bosupi jo bo tletseng jwa gore di ka tsosa ntwa; kgotsa b tiragalo nngwe le nngwe kgotsa tiragalo e go tshogiwang gore e ka tsosa tlhakatlhakano, ya nna dikgoka kgotsa ntwa mo baaging;
buka ya go kwadisiwa" fa e dirisiwa e le leina, e tlhalosa buka ya go kwadisiwa e e umakilweng mo karolong ya bo 5 (h) kgotsa mo karolong ya bo 31;
motho yo o kwadisitsweng" go tlhalosa motho yo o kwadisitsweng, kgotsa mothapiwa kgotsa moemedi wa motho, yo o kwadisitsweng go ya ka mabaka a Molao o;
setsha se se kwadisitsweng" se tlhalosa setsha se se kwadisitsweng go ya ka mabaka a Molao o kgotsa molao o o tshwanetseng wa diporofense;
melawana" e tlhalosa melawana e e tlhamilweng go ya ka mabaka a Molao o;
kgwebo ya go rekisa bojalwa" e tlhalosa go rekisetsa motho yo o sa kwadisiwang bojalwa;
kgwebo ya go rekisa bojalwa" go tlhalosa motho yo o rekisang bojalwa, kgotsa yo o titielang bojalwa gore a bo rekisetse motho yo o sa kwadisiwang;
sekolo" bokao jwa sona ke jo bo tlhalositsweng mo Molaong wa Dikolo tsa Aforika Borwa, wa 1996 (Molao wa Nomoro ya bo 84 wa 1996);
sekgala sa lefelo la sekolo" se tlhalosa mabala le dikago tsa sekolo, gotlhelele le mafelo le setsha se se dikologileng mabala a a leng mo teng ga sekgala se se laetsweng go ya ka mabaka a a tshwanetseng a melao ya diporofense;
go rekisa" go akaretsa go refosana, kgotsa go tshola, go aba, go supa mo pontsheng, go romela, go abela kgotsa go phatlhalatsa ka go rekisa, kgotsa go abela dithata, ka tlhamalalo kgotsa go dumelela go rekisa;
bojalwa jwa mabele" bo tlhalosa -
a seno se se itsegeng gore ke bojalwa jwa mabele mme ka tlwaelo se se titielwang go tswa mo dithorong tsa mabele kgotsa tsa lebelebele kgotsa dithoro dingwe le dingwe;
b seno sengwe le sengwe se se titielwang kgotsa se se rekisiwang ka leina la bojalwa jwa mabele;
c matute mangwe le mangwe a dithoro le merogo kgotsa maungo a a fetogang bojalwa ka go bela le go titiega fa a tswakilwe le metsi go sa kgathalesege gore a a itsege e le bojalwa jwa mabele kgotsa nnyaya; kgotsa d motswako mongwe le mongwe kgotsa seno se se titiegileng se se goeleditsweng gore ke bojalwa jwa mabele go ya ka mabaka a karolwana a bo 502a;
sekgala sa mabala a metshameko" se tlhalosa lefelo le meago ya mabala a metshameko, gotlhelele le mafelo otlhe le setsha se se dikologileng mabala ao mo teng ga sekgala se se laetsweng go ya ka mabaka a a tshwanetseng a melao ya diporofense;
go abela" mabapi le bojalwa bongwe le bongwe, go tlhalosa go tshodisa motho bojalwa kgotsa go mo abela dithata tsa go laola bojalwa;
Molao o" o akaretsa mametlelelo nngwe le nngwe, melawana kgotsa dikitsiso tse di tlhamilweng kgotsa tse di golotsweng go ya ka mabaka a Molao o.
Maikaelelo a Molao
Maikaelelo a Molao o ke -
a go fokotsa tshwaelo e e sa siamang mo mererong ya ikonomi le ya matshelo a baagi le ditshenyegelelo tse dingwe ka ntlha ya go dirisa bojalwa botlhaswa ka go -
i tlhama dingwao le maemo a mekgwa ya boitsholo mo madirelong a bojalwa;
ii laola go titiela le go phasalatsa bojalwa ka bontsi;
iii tlhama dingwao le maemo a mekgwa ya boitsholo jo bo tlhokegang jwa bosetšhaba ka maikaelelo a go laola kgwebo ya go rekisa bojalwa le botitiedipotlana jwa bojalwa; le b go rotloetsa tlhabololo ya bodirelo jwa bojalwa jo bo maikarabelo le jo bo tla tswelediwang ka mokgwa o o tsweletsang pele -
i go tsena ga bagwebi ba bantshwa mo madirelong a;
ii go farologanya bong mo madirelong a; le iii boitsholo jo bo boikarabelo jwa mo setšhabeng mo madirelong a.
Go diragadiwa ga Molao o
Go ya ka mabaka a karolwana ya bo 2, Molao o o tla diragadiwa go kgabaganya Rephaboliki yotlhe ya Aforika Borwa.
Kgaolo ya bo 3, kwa ntle ga karolo ya bo 15, e tla diragadiwa fela go -
a motho yo o kwadisitsweng kgotsa setlamo se se rekang go tswa kwa mafatsheng a boditšhabatšhaba, se se tlhagisang, se se tshelang mo mabotlolong, kgotsa se se rekang go feta selekano sa bontsi jo bo laetsweng jwa bojalwa; kgotsa b motho kgotsa setlamo se se eletsang go ikwadisa, le se se solofelang gore fa se sena go ikwadisa, se tla reka go tswa kwa mafatsheng a boditšhabatšhaba, sa tlhagisa, sa tshela mo mabotlolong, kgotsa se se rekang go feta selekano sa bontsi jo bo laetsweng jwa bojalwa.
Tona, ka kitsiso mo Kuranteng ya Mmuso, e ka laela selekano sa bontsi jwa bojalwa go ya ka mabaka a karolwana ya bo 2.
KGAOLO YA BO 2
PHOLESI YA BOSETŠHABA KA GA BOJALWA
Go laola madirelo a bojalwa
Tona e tshwanetse go laola go titiela bojalwa le go bo phasalatsa go ya ka mabaka a Molao o.
Fa porofense e tlhamile melao e e itumedisang ditlhokego tsa karolo ya bo 5, setheo sa porofense se se tlhamilweng go ya ka mabaka a molao oo, se tshwanetse go laola botitiedipotlana, kgwebo e e rekisang bojalwa le go nowa ga bojalwa kwa porofenseng eo go ya ka mabaka a Molao o, le go diragadiwa ga melao e e tshwanetseng ya porofense.
Dingwao le mekgwa ya maemo a boitsholo tsa bosetšhaba ka ga melao ya porofense ya go laola merero ya bojalwa
Melao ya diporofense e e akantsweng ka botlalo mo karolong ya bo 42 e tshwanetse go -
a diragadiwa ka go lekalekana go tsamaelana le maikaelelo le maikemisetso a Molao o;
b tlhoma setheo sa porofense se se ikemetseng go laola kgwebo ya go rekisa le go nowa ga bojalwa mo teng ga porofense ya go nna jalo go ya ka mabaka a ditshiamelo tsa molao oo le Molao o;
c aba matlole a a lekaneng go netefatsa go dira ka tshwanelo ga setheo se se umakilweng mo temaneng ya b;
d bona gore motho mongwe le mongwe yo o tshwaraganeng le kgwebo ya go rekisa bojalwa, kgotsa botitiedipotlana jwa bojalwa, mo teng ga porofense eo gore o kwadisitswe, kgotsa a be a reboletswe laesense, go diragatsa nngwe ya ditiragalo tseo;
e dira ditshiamelo tsa mokgwa o o bonolo o o seng tlhwatlhwa godimo wa go kopa, go sekasekwa le go dumelela go kwadisiwa kgotsa go rebola laesense tse di umakilweng mo temaneng ya d;
f tlhama, kgotsa go dira ditshiamelo tsa mekgwa ya go sweetsa ka, -
i ga malatsi mangwe le mangwe ao mo go ona motho kgotsa setlamo se sa tshwanelang go dira kgwebo ya go rekisa bojalwa;
ii ga diura dingwe le dingwe tseo mo go tsona motho kgotsa setlamo se sa tshwanela go dira kgwebo ya go rekisa bojalwa;
iii bogolo jwa dingwaga jwa bontsi jo bo tshwanetseng go dira kgwebo ya go rekisa le go nowa ga bojalwa; le iv dikgala tsa mabala a dikolo, dikgala tsa mabala a metshameko, kgotsa mafelo mangwe a a kgethegileng ao mo go ona motho a sa tshwanelang go dira kgwebo ya go rekisa bojalwa;
g tlhama mekgwa eo ka yona dikakanyo tsa baagi ba tikologo ba tla fiwang tshono ya go di sekaseka mabapi le palo le sekgala sa bagwebi ba bojalwa ba ba rekisetsang dikolo, mafelo a go rapelelwang mo go ona kgotsa mafelo a mangwe a a kgethegileng, mmogo le mabaka a mangwe a a ka beng a le botlhokwa mo baaging, fa morero mongwe le mongwe o sekasekwa go ya ka mabaka a temana ya f;
h bona gore go tlhamilwe setheo se se laolang se se umakilweng mo temaneng ya b go -
i tshola buka ya go kwadisiwa ga tshedimosetso e e laetsweng;
ii dumelela batho ba ba nang le kgatlhego go tlhatlhoba khophi ya buka ya go kwadisiwa mme fa ba duela madi a a rileng ba dumelelwe go ithekela khophi ya buka ya go kwadisiwa kgotsa bontlhanngwe jwa yona; le iii bega tshedimosetso e e umakilweng mo temaneng ya bo i kwa go Tona bonnye gangwe ka kgwedi; le iv tlhama mekgwa e e lekaneng go netefatsa gore mekgwa e e elwa tlhoko le go diragadiwa ka tshwanelo go ya ka mabaka a Molao o, le melao ya diporofense.
Go ya ka mabaka a Molao o, dikgotlatheomolao tsa diporofense di ka nne tsa se ke tsa tlhama bontsi jwa bogolo jwa dingwaga tse di kwa tlase ga di le 18.
Go laola dipiriti tse di metheleitilweng, metswako e e tlhakatlhakaneng ya dibese le metswako ya tatso
Motho ga a tshwanela go titiela, go phasalatsa, go dira kgwebo ya go rekisa, go aba kgotsa go tshola dipiriti tse di metheleitilweng kwa ntle ga mabaka a a tsamaelanang le molao.
Motho ga a tshwanela go titiela, go phasalatsa, go dira kgwebo ya go rekisa, go aba, go tshola kgotsa go nwa motswako mongwe le mongwe kgotsa seno se se titietsweng ka go bidisa matute a sukiri, sukiri kgotsa motswako mongwe le mongwe o o itsegeng ka -
a "isityimiyana", "hopana", "qediviki", "skokiaana", "uhali", kgotsa "barbertone"; kgotsa b leina le le sa kwadiwang mo temaneng ya a, fa diteng tsa motswako kgotsa seno di tshwana kgotsa di utlwala le go tshwana thata le mongwe le mongwe wa metswako e e umakilweng mo temaneng ya a.
Motho ga a tshwanela go titiela, go phasalatsa, go dira kgwebo ya go rekisa, go aba, go tshola kgotsa go nwa motswako mongwe le mongwe o o dirilweng ka -
a go tshela motswako o o koafatsang mmele wa motho mo bojalweng; kgotsa, b go tshela motswako mongwe le mongwe mo bojalweng o o dirang gore motswako o o metsi o koafatse mmele wa motho kwa ntle ga fa motswako o o metsi oo kgotsa motswako oo e le motswako o o letleletsweng go tswakanngwa ka nako ya fa go titielwa bojalwa ka nosi.
Motho ga a tshwanela go titiela, go phasalatsa, go dira kgwebo ya go rekisa, kgotsa go aba motswako mongwe le mongwe ka leina la bojalwa, fa motswako oo e se bojalwa ka gope jaaka bo tlhalositswe mo Molaong o.
Go tlola molao wa karolo e ke molato.
Go romela, go duta le go supa bojalwa mo pontsheng
Ditshiamelo tsa karolo e ga di na seabe sepe mo batitieding ba bojalwa jwa mabele.
Motho yo o kwadisitsweng ga a tshwanela go amogela bojalwa jo a bo rometsweng mme bo sa rekiwa ke motho yo o kwadisitsweng yoo.
Motitiedi kgotsa motitiedipotlana yo o kwadisitsweng o tshwanetse go boloka bojalwa fela mo lefelong le le kwa thoko kgotsa karolo ya ditshiamelo tsa go titiela tse di beetsweng thoko lebaka le mo molaong kgotsa mo mabakeng a go kwadisiwa.
Mophasalatsi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go boloka bojalwa fela mo karolong ya setsha e e beetsweng thoko lebaka le mo molaong kgotsa mo mabakeng a go kwadisiwa.
Go tlola molao wa karolo e ke molato
Go sirelediwa mabapi le go thapiwa mo madirelong a bojalwa
Kwa ntle ga molao o mongwe le mongwe kgotsa konteraka ngwe le ngwe e e farologanang le se, motho yo o kwadisitsweng ga a tshwanela go thapa motho yo a iseng a fitlhelele bogolo jwa dingwaga di le 16, kwa ntle ga fa mothapiwa a katisiwa kgotsa a rutelwa mo tirong jaaka go tlhalositswe mo karolong ya bo 16 ya Molao wa go Tlhabolola Bokgoni, wa 1998 Molao wa Nomoro ya bo 97 wa 1998.
a abela motho mongwe le mongwe bojalwa go mo ngoka gore a mo direle tiro;
b abela mothapiwa bojalwa e le tuelo kgotsa mo boemong jwa tuelo kgotsa mogolo wa tuelo; kgotsa c ntsha madi mo mogolong wa tuelo ya mothapiwa kgotsa mogolo wa tuelo e le tlhwatlhwa ya bojalwa -
i jo bo romeletsweng mothapiwa kgotsa bo filwe motho yo mongwe mo boemong jwa mothapiwa; kgotsa ii jo bo rekilweng ke, kgotsa mo boemong jwa, mothapiwa
Go tlola molao wa karolo e ke molato
Maparego a go thibela go rekisa kgotsa go aba bojalwa go setšhaba
Ke fela motho yo o kwadisitsweng kgotsa yo o reboletsweng laesense go dira kgwebo ya go rekisa yo a ka rekisang kgotsa a aba bojalwa go motho yo o sa kwadisiwang kgotsa yo o sa abelwang laesense.
Mogwebi yo o rekisang bojalwa yo o kwadisitsweng kgotsa yo o reboletsweng laesense ga a tshwanela go rekisa bojalwa a tlola maemo a mabaka a -
a Molao o;
b molao o o tshwanetseng wa diporofense; kgotsa c mabaka a laesense ya gagwe kgotsa go kwadisiwa ga gagwe.
Go tlola molao wa karolo e ke molato
Mabaka a a laolang dipapatso
Motho ga a tshwanela go babatsa bojalwa bope -
a ka bofora kgotsa ka mokgwa wa go tsietsa; kgotsa b gore o a bo rekisa ka mokgwa o o seng ka fa molaong go ya ka mabaka a Molao o kgotsa molao o o tshwanetseng wa diporofense; kgotsa c ka mokgwa o o ikaeletsweng kgotsa mokgwa wa go ngoka bašwa.
Motho ga a tshwanela go babatsa motswako mongwe le mongwe gore ke bojalwa fa motswako oo e se bojalwa ka gope jaaka bo tlhalositswe mo Molaong o.
Go tlola molao wa karolo e ke molato.
Go thibela go abela bana bojalwa
Mogwebi yo o rekisang bojalwa ga a tshwanela go rekisetsa kgotsa go abela bana bojalwa.
Motho ga a tshwanela go neela ngwana bojalwa, kwa ntle ga fa motho wa go nna jalo e le motsadi kgotsa motho yo o godisang ngwana yoo.
Motho o tshwanetse go tsaya dikgato tse di utlwalang go netefatsa ka nepagalo gore a motho ke ngwana kgotsa nnyaya, pele a mo rekisetsa kgotsa a mo abela bojalwa.
Ngwana ga a tshwanela go ntsha bosupi jo bo fosagetseng jwa bogolo jwa dingwaga tsa gagwe ka maikaelelo a go tsietsa motho gore a mo rekisetse bojalwa kgotsa a abele ngwana bojalwa.
Motho ga a tshwanela go ntsha bosupi jo bo fosagetseng ka ga bogolo jwa dingwaga tsa ngwana ka maikaelelo a go tsietsa motho gore a rekisetse kgotsa a abele ngwana bojalwa.
Go tlola molao wa karolo e ke molato.
Go aba bojalwa kwa mafelong a bo sa dumellwang kwa go ona
Motho ga a tshwanela go abela motho ope bojalwa mo teng ga -
a sekgala sa mabala a sekolo jaaka se dumeletswe go ya ka mabaka a molao o o tshwanetseng wa diporofense;
b sekgala sa mabala a metshameko jaaka se dumeletswe ka molao o o tshwanetseng wa diporofense; kgotsa c lefelo lengwe le lengwe le le rileng le go thibetsweng go ya ka mabaka a molao o o tshwanetseng wa porofense.
Go tlola molao wa karolo e ke molato
Go thibela ga botagwa le maitsholo a a sa amogelesegeng
Motho ga a tshwanela go tagiwa le go nna le maitsholo a a sa amogelesegeng mo setsheng se se kwadisitsweng.
Motho ga a tshwanela go tagiwa le go nna le maitsholo a a sa amogelesegeng mo teng ga -
a lefelo lengwe le lengwe le setšhaba se tshwanetseng go tsena mo go lona go sa kgathalesege gore a go duedisiwa madi a go tsena kgotsa nnyaya kgotsa mo go tsena go beetsweng thoko mofuta o o rileng wa batho; kgotsa b mofuta mongwe le mongwe wa dipalangwa tsa botlhe.
Go tlola molao wa karolo e ke molato.
Go tswalwa ga ditsha tse di kwadisitsweng le tse dingwe
Motlhatlhobi a ka laela motho yo o kwadisitsweng kgotsa mogwebi yo o rekisang bojalwa go tswala setsha se se kwadisitsweng paka ya nako nngwe le nngwe fa motlhatlhobi a na le bosupi jo bo tletseng jwa gore go ka tsoga tlhatlhakano gaufi le setsha se se kwadisitsweng seo.
Motho a ka obamela le go tsamaelana le taelo ka bonako jwa pong ya leitlho go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1.
Fa motho a palelwa ke go obamela taelo e e ntshitsweng go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1, motlhatlhobi yo o ntshitseng taelo a ka tsaya dikgato dingwe le dingwe tse di tshwanetseng go tswala setsha seo, go akarediwa le -
a go dirisa dikgoka mo go lekanetseng; kgotsa b go bitsa Matsholo a Sepodisi sa Aforika Borwa.
Taelo nngwe le nngwe e e ntshitsweng go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1, e tshwanetse go phimolwa ka bonako jo bo kgonagalang morago ga go fela ga maemo a a dirileng gore taelo eo e ntshiwe.
Go tlola molao wa karolo e ke molato
KGAOLO YA BO 3
GO KWADISA LE GO REBOLA DILAESENSE
Batitiedi le baphasalatsi ba ba tshwanetseng go kwadisiwa
Motho ga a tshwanela go titiela kgotsa go phasalatsa bojalwa kwa ntle ga fa motho wa go nna jalo a kwadisitswe go dira jalo go ya ka mabaka a Molao o.
Go tlola molao wa karolo e ke molato.
Mabaka a a dumelelang go kwadisiwa
Motho mongwe le mongwe a ka kwadisiwa go ya ka mabaka a Kgaolo e, kwa ntle ga motho yo -
a a iseng a fitlhelele bogolo jwa dingwaga di le 18 ka nako ya fa a tsenya kopo ya go kwadisiwa;
b a atlhotsweng mo dingwageng di le tharo tse di fetileng ka ntlha ya kgato nngwe le nngwe ya go tlola molao mongwe le mongwe o o laolang go titiela, go phasalatsa kgotsa go rekisa bojalwa; kgotsa c e le -
i motho yo o jetsweng thoto mme a ka se tlhole a ka kgona go simolola kgwebo gape; kgotsa ii motho yo o sa itekanelang mo tlhaloganyong.
Mefuta ya go kwadisiwa
Tona e ka kwadisa motho yo o dumeletsweng ka mabaka go nna -
a motitiedi wa bojalwa, ka tetla kgotsa kwa ntle ga tetla ya go phasalatsa bojalwa; kgotsa b mophasalatsi wa bojalwa.
Motho a ka kwadisiwa go tswelela go titiela le go phasalatsa bojalwa go tswa mo setsheng se le sengwe.
Kopo ya go kwadisiwa
Motho yo a sa thibelwang go kwadisiwa go ya ka mabaka a karolo ya bo 16 a ka dira kopo ya go kwadisiwa ka go romela kopo ya go nna jalo kwa go Tona ka mokgwa le mo fomong e e laetsweng.
Tona e ka -
a kopa tshedimosetso ya tlaleletso go tshegetsa kopo ya go nna jalo; le b gana kopo ya go kwadisiwa fa mokopi a sa romela tshedimosetso nngwe e e kopilweng go ya ka mabaka a temana ya a.
Mabaka a a letlang go kwadisiwa
Fa kopo e tsamaelana le mabaka a ditshiamelo tsa Molao o, Tona, morago ga go sekaseka bomolemo le mabaka a kopo a a tlhalositsweng mo karolong e, e ka dumela -
a go kwadisa kgotsa go se kwadise mokopi; le b gore ke mabaka afe a mangwe gape, fa a le teng, a a tshwanetseng go mamarediwa mo kopong.
Tona e tshwanetse go sekaseka, mme e ka gana go kwadisa ka mabaka mangwe le mangwe a maemo a a latelang:
a Fa e le gore mokopi o na le bokgoni le ditlhokego tse dingwe tsa botlhokwa tsa go tsamaisa kgwebo e go tshikhinngwang gore e kwadisiwe.
b Mekgwa le boitekanelo jwa mokopi.
Tona e ka sekaseka, mme e ka tshikhinya mabaka a go kwadisiwa ka mokgwa o o tlhokagalang wa go siamisa sengwe le sengwe se se tlhaelang mo kopong go tsamaelana le, mabaka a a latelang -
a Selekano sengwe le sengwe sa merero ya dikgatlhegelo tsa ditshelete tse mokopi a nang natso mo madirelong a bojalwa;
b Go ititaya sehuba mo go dirilweng ke mokopi go ya ka mabaka a go abela bantsho dithata tsa merero ya ikonomi;
c Seabe se mokopi a ithaopileng go se aba go lwantsha mekgwa ya go dirisa bojalwa botlhaswa, go akarediwa le fa e le gore a mokopi o ikaeletse go obamela mekgwa mengwe le mengwe ya boitsholo e e dumeletsweng ke Tona mo madirelong a bojalwa; le d Selekano se go ikwadisa mo go tshikhintsweng go tla amang ka teng -
i bagwebi ba bantšhwa ba ba tsenang mo madirelong a bojalwa ii go tlhoma ditiro mo madirelong a bojalwa;
iii go farologana ga go nna beng ba kgwebo mo madirelong a bojalwa;
iv go tsamaisiwa ka bokgoni ga tiro ya madirelo a bojalwa;
v go romela thoto kwa mafatsheng a boditšhabatšhaba; kgotsa vi kgaisano ya disela mmapa mo teng ga madirelo a bojalwa.
Go tlaleletsa ditshiamelo tsa karolwana ya bo 3, fa mokopi e le setlamo se se nang le mokaedi, tokololo, moterasete, semphato kgotsa tokololo ya boto ya sona kgotsa ditokololo tsa bokhuduthamaga tse di welang mo mefuteng ya batho ba ba umakilweng mo karolong ya bo 16a go fitlhela go c, Tona e ka tshikhinya maemo a a rulaganyeditsweng go thibela motho wa go nna jalo gore a se ke a nna le dithata tsa go tsaya ditshweetso, go tsamaelana le ditiragalo tse di tshikhintsweng tsa go kwadisiwa.
Tshweetso ya Tona
Tona e ka -
a dumelela kopo;
b dumelela kopo go ya ka mabaka a a utlwalang le a maemo a a siameng fa e sena go lebisisa maikemisetso le maikaelelo a Molao o, maemo a kopo, mmogo le ditshiamelo tsa karolo ya bo 19; kgotsa c gana kopo
Fa Tona e gana kopo, Tona e tshwanetse go itsise mokopi mabaka a go e gana ka go kwala tshweetso ya yona.
Fa Tona e tshikhinya go gokelela mabaka mo kopong ya go kwadisiwa, Tona e tshwanetse go itsise mokopi ka ga mabaka a a tshikhintsweng, mmogo le mabaka a go dira jalo.
Mokopi yo o amogetseng ditshikhinyo tsa mabaka a ka tsibogela kgato e kwa go Tona mo pakeng ya nako ya -
a malatsi a le 30 go tswa mo letlheng le mokopi a itsisitsweng ka lona ka ga tshikhinyo eo; kgotsa b paka ya nako e telele e e tla dumelelwang ke Tona, ka boikanyego.
Fa mokopi yo a amogetseng tshikhinyo ya maemo a kopo-
a a dumallana le maemo a a tsentsweng, Tona e tshwanetse go kwadisa mokopi, go ya fela ka mabaka a a tshikhintsweng; kgotsa b a sa tsiboge, kgotsa a sa dumallane, le mabaka a a tshikhintsweng, Tona e tshwanetse go sekaseka tsibogo nngwe le nngwe e e rometsweng ke mokopi mme e ka -
i gana go kwadisa mokopi; kgotsa ii re kwa bofelong ya sweetsa ka ga mabaka a a tshwanetseng go tsenngwa, mme ya kwadisa mokopi.
Tona e tshwanetse go -
a itsise mokopi ka go kwala ka ga tshweetso go ya ka mabaka a karolwana ya bo 5; le b ntsha mabaka a a kwadilweng ka ga tshweetso eo fa -
i Tona e ganne go kwadisa mokopi; kgotsa ii Tona e mametleletse mabaka a a tshikhintsweng mo nakong e e fetileng.
Setifikeiti, nako ya paka ya sona, le kitsiso ya botlhe ka ga go kwadisiwa
Fa e sena go kwadisa mokopi, Tona e tshwanetse -
a go rebolela mokopi setifikeiti sa go kwadisiwa sa semmuso; le b go kwala go kwadisiwa mo bukeng ya direkoto tsa go kwadisiwa
Setifikeiti se se santseng se dira, kgotsa khophi e e netefaditsweng ya sona, ke bosupi jo bo tletseng jwa gore motho o kwadisitswe go ya ka mabaka a Molao o.
Go kwadisiwa -
a go simolola go dira mo letlheng le go kwadisiwa ga setifikeiti go rebotsweng ka lona; le b go tswelela go dira go fitlhela -
i motho yo o kwadisitsweng a phimolwa go kwadisiwa ii mo lebakeng la setlamo, se garetswe kgotsa se phatlhaladitswe; kgotsa iii go kwadisiwa go phimotswe go ya ka mabaka a Molao o.
Motho yo o kwadisitsweng o tshwanetse go supa maemo le go kwadisiwa ga gagwe le nomoro ya go kwadisiwa mo dikwalong tsotlhe tsa go tsamaisa kgwebo ya gagwe.
Go fetisediwa ga go kwadisiwa
Go kwadisiwa ga motitiedi kgotsa mophasalatsi go ka fetisediwa go motho yo mongwe kgotsa setlamo fa -
a motho yo o kwadisitsweng kgotsa setlamo le motho kgotsa setlamo se go kwadisiwa go tshwanetseng go fetisediwa go sona se kopa ka mokgwa le mo fomong e e laetsweng, gore go fetisediwa go dumelelwe;
b motho kgotsa setlamo se go kwadisiwa go tshwanetseng go fetisediwa kwa go sona se sa ganelwe ka tumelelo go ya ka mabaka a karolo ya bo 16; le c Tona e sekasekile kopo le go dumela go fetisediwa.
Dikarolo tsa bo 182, 19 le 20, fa nngwe le nngwe e buisiwa le diphetogo tse di tlhokagalang mo diteng tsa tsona, di ka diragadiwa mo kopong go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1.
Fa motho kgotsa setlamo se se kwadisitsweng se amogela kgotsa se rekisa dikgatlhegelo tsa sona mo mothong kgotsa setlamo se sengwe se se kwadisitsweng mme se na le dikgatlhegelo tsa mofuta o o farologaneng, kgotsa fa batho kgotsa ditlamo di le pedi kgotsa go feta di tlhoma kgwebo e e kopanetsweng e e tla tshegetsang mofuta wa go kwadisiwa o o farologaneng le mofuta o sengwe le sengwe se kwadisitsweng ka ona, batho kgotsa ditlamo tse di kwadisitsweng di tshwanetse go itsise Tona ka mokgwa le mo fomong e e laetsweng.
Tona e tshwanetse go sekaseka kitsiso go ya ka mabaka a karolwana ya bo 3, ya go tlhatlhoba maemo a a tlhomilweng mo mabakeng a karolo ya bo 193d, mme e ka dumela, ya mamaretsa mabaka a mangwe kgotsa ya gana tshikhinyo ya kgwebisano eo.
Karolo ya bo 20, fa e busisiwa le diphetogo tsa botlhokwa tsa diteng, e diragadiwa mo tshweetsong ya Tona go ya ka mabaka a karolwana ya bo 4.
Go fetolwa ga maemo a ditiragalo tse di kwadisitsweng
Motho yo o kwadisitsweng yo o kopang go kwadisiwa kgotsa go rebolelwa laesense ya mokgebi ya go rekisa go ya ka mabaka a molao o o tshwanetseng wa porofense o tshwanetse go itsise Tona ka ga kopo eo ka mokgwa le mo fomong e e laetsweng.
Motho yo o kwadisitsweng ga a tshwanela go fetisetsa kwa kgaolong e nngwe dithata tsa ditiragalo dingwe le dingwe go ya ka mabaka a setifikeiti sa gagwe sa kwadiso, a fetola mokgwa kgotsa maemo a go kwadisiwa ga ditiragalo ka mokgwa mongwe le mongwe o o tsamaelanang le kwadiso eo, kgotsa go gweba ka go rekisa bojalwa go ya ka mabaka a a tshwanetseng kgotsa laesense ya porofense, kwa ntle ga -
a fa motho yo o kwadisitsweng a itsisitse Tona ka mokgwa le mo fomong e e laetsweng; le b Tona e -
i sekasekile go kwadisiwa ka mabaka a diphetogo tse di tshikhintsweng, le go e dumelela gape, ka maemo a diphetogo kgotsa kwa ntle ga tsona; kgotsa ii beetse thoko tshono ya go sekaseka go kwadisiwa.
Mo pakeng ya nako ya malatsi a le 30 morago ga go amogela kitsiso go ya ka mabaka a karolwana ya bo 2, Tona e tshwanetse go itsise motho yo o kwadisitsweng fa Tona e tla sekaseka go kwadisiwa, kgotsa go beela thoko tshono ya go e sekaseka gape.
Dikarolo tsa bo 182, 19 le ya bo 20, fa nngwe le nngwe e buisiwa le diphetogo tsa botlhokwa tsa diteng, di diragadiwa mo kitsisong go ya ka mabaka a karolo e.
Loso, go jelwa thoto kgotsa bokowa jwa mmele wa motho yo o kwadisitsweng
Mo lebakeng la karolo e, lereo la "motsamaisi wa thoto le boswa" le akaretsa -
a motsamaisi wa thoto le boswa jwa motho yo o suleng;
b motsamaisi le mophatlhalatsi wa thoto le boswa tse di jelweng; le c motlhokomedi
Fa motho yo o kwadisitsweng a swa, a jelwa thoto kgotsa a bewa ka fa tlase ga motlhokomedi, motsamaisi wa thoto le boswa jwa motho yoo, mo lebakeng la tsamaiso ya thoto le boswa, -
a o tswelela go tsamaisa kgwebo e e kwadisitsweng mo leineng la boswa; kgotsa b o tshikhinya kwa go Tona go ya ka mabaka a karolo ya bo 22 gore a fetisetse go kwadisiwa kwa mothong yo mongwe yo o lebaneng.
Motho mongwe le mongwe a ka dira kopo ka mokgwa o o laetsweng kwa go Tona gore go tlhomiwe motho yo o tla tsamaisang kgwebo ya motho yo o kwadisitsweng, fa go santse go letilwe go tlhomiwa ga motsamaisi yo o tlhalositsweng mo karolwaneng ya bo 2.
Pele e dumelela kopo e e dirilweng go ya ka mabaka a karolwana ya bo 3, Tona e tshwanetse go itumelela gore -
a motho mongwe le mongwe yo o nang le dikgatlhegelo tsa ditshelete o filwe kitsiso e e tshwanetseng ya kopo;
b ga go ise go tlhomiwe motsamaisi; le c go mabaka a a utlwalang a gore motsamaisi o tshwanetse go tlhomiwa.
Motho yo o tlhomilweng go ya ka mabaka a karolwana ya bo 3 o tshwanetse, mo mabakeng a go tsamaisa thoto le boswa, go tswelela go tsamaisa kgwebo e e kwadisitsweng ka leina la thoto le boswa, go fitlhela go tlhomiwa motsamaisi jaaka go tlhalositswe mo karolwaneng ya bo 2.
Madi a go kwadisiwa a a duelwang ngwaga le ngwaga
Tona e ka laela madi a go kwadisiwa a a duelwang ngwaga le ngwaga, a a ka farologanang go ya ka mabaka a a tla sweediwang ke Tona.
Tona e ka oketsa maemo a laesense e e rebotsweng
Tona e ka sekaseka, le go tshikhinya maemo a mantshwa mo go kwadiseng fa motho yo o kwadisitsweng -
a go ya ka mabaka a a runyang mo go kwadisiweng ga motho wa go nna jalo ka mabaka a Molao o, a tlotseng -
i Kgaolo ya bo 2 ya Molao wa Dikgaisano, wa 1998 Molao wa Nomoro ya bo 89 wa 1998;
ii Molao wa Dilwana tsa Thoto ya Maitirelo wa 1997 Molao wa Nomoro ya bo 37 wa 1997;
iii Molao wa Dikuno tsa Bojalwa, wa 1989 Molao wa Nomoro ya bo 60 wa 1989;
iv Molao wa Thoto e e tswang kwa Mafatsheng a Boditšhabatšhaba, wa 1964 Molao wa Nomoro ya bo 91 wa 1964;
v Molao wa Ditshwanelo tsa Botlhokwa tsa Badiri, wa 1997 Molao wa Nomoro ya bo 75 wa 1997;
vi Molao wa Dikgolagano tsa Badiri, wa 1995, Molao wa Nomoro ya bo 66 wa 1995; kgotsa vii Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya Badiri, wa 1993 Molao wa Nomoro ya bo 85 wa 1993;
b a sa kgonang go itumedisa maikano a ditlhokego tsa gagwe go ya ka mabaka a go abela bantsho dithata tsa merero ya ikonomi, mme e bile a sa kgone go supa mabaka a gore ke eng a paletswe go dira jalo; kgotsa c a sa kgoneng go itumedisa maikano a gagwe kgotsa go tsamaelana le maano a go lwantsha tiriso e e botlhaswa ya nnotagi, kgotsa a tlotseng Molawana o amogetsweng wa Maitsholo, mme e bile a sa kgone go supa mabaka a gore ke eng a paletswe ke go dira jalo.
Pele e tsenya maemo go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1b kgotsa c, Tona e tshwanetse go abela motho yo o kwadisitsweng tshono e e utlwalang ya go siamisa se a se tlhaelang mo maitsholong a gagwe.
Karolo ya bo 20 3 go fitlhela go ya bo 6, fa nngwe le nngwe e buisiwa le diphetogo tse di botlhokwa tsa diteng, e diragadiwa mo tshikhinyong ya Tona ya go tsenya maemo go ya ka mabaka a karolo e.
Go phimola
Go kwadisiwa go ka phimolwa -
a ke Tona go ya ka mabaka a karolwana ya bo 2 kgotsa ya bo 3
b ka go ithaopa ga motho yo o kwadisitsweng, go ya ka mabaka a karolo ya bo 28; kgotsa c ka ntlha ya mabaka a go jelwa thoto, go garelwa, kgotsa go phatlhaladiwa, go ya ka mabaka a karolo ya bo 29.
Tona e ka phimola go kwadisiwa fa motho yo o kwadisitsweng -
a maemo a gagwe a phimolwa ka ntlha ya lebaka lengwe le lengwe le le tlhalositsweng mo karolong ya bo 16;
b fa a sa obamele mabaka a go kwadisiwa;
c fa a tlola molao gangwe le gape, kgotsa fa kgapetsa kgapetsa a palelwa ke go itumedisa maikano a gagwe jaaka a tlhalositswe mo karolong ya bo 193b kgotsa c; kgotsa d a sa obamele ditlhokego tsa Molao o.
Tona e ka phimola go kwadisiwa ga motho yo o kwadisitsweng fa motho yoo -
a a romeletswe kitsiso ya go mo kgalema go ya ka mabaka a karolo ya bo 38; le i a paletswe ke go obamela ditlhokego tsa yona; kgotsa ii ga a ka a ngongorega ka ga kitsiso eo go ya ka mabaka a karolo ya bo 39; kgotsa b fa a ngongoregile -
i a paletswe ke go tsamaelana le taelo ya Tona e a e filweng go ya ka mabaka a karolo ya bo 394; kgotsa ii ga a atlega go ikuela kgatlhanong le taelo eo go ya ka mabaka a karolo ya bo 40.
Fa Tona e phimotse go kwadisiwa, Tona e tshwanetse go itsise motho yo a neng a kwadisitswe ka go kwala ka ga -
a go phimolwa;
b mabaka a go phimolwa; le c letlha la go phimolwa.
Fa go kwadisiwa go phimotswe go ya ka mabaka a karolo e, karolo ya bo 28 kgotsa karolo ya bo 29, Tona e tshwanetse -
a go phimola setifikeiti sa go kwadisiwa; le b go siamisa buka ya go kwadisiwa ka fa go tshwanetseng ka teng.
Go kwadisiwa go phimolwa mo letlheng le Tona e phimolang setifikeiti sa go kwadisiwa ka lona, seo, mo mabakeng a go phimolwa go ya ka mabaka a karolo ya bo 28, se tshwanetseng go nna mo letlheng le le totobaditsweng ke motho yo o kwadisitsweng mo kitsisong ya go ithaopa go phimolwa.
Go phimolwa ka go ithaopa
Motho yo o kwadisitsweng a ka phimola go kwadisiwa ga gagwe ka go romela Tona kitsiso e e kwadilweng ka mokgwa le mo fomong e e laetsweng -
a ka go tlhalosa maikaelelo a motho a go ithaopa go phimola go kwadisiwa mmogo le mabaka a go dira jalo; le b ka go itsise letlha, bonnye malatsi a le 60 morago ga letlha la kitsiso, leo go phimolwa go tla diragadiwang ka lona.
Go phimolwa ka ntlha ya go jelwa thoto, go tswala kgwebo kgotsa go e phatlhalatsa
Fa thoto le boswa jwa motho yo o kwadisitsweng bo tswalwa kgotsa bo phatlhaladiwa kwa ntle ga go fetisetsa go kwadisiwa go ya ka mabaka a karolo ya bo 22, motsamaisi wa thoto le boswa o tshwanetse go itsise Tona ka mokgwa le mo fomong e e laetsweng ka ga lebaka leo mo malatsing a le 30 morago ga go jelwa thoto le boswa, go tswalwa kgotsa go phatlhaladiwa.
Fa e se na go amogela kitsiso go ya ka mabaka a karolo e, Tona e tshwanetse go phimola go kwadisiwa mo go amegang.
Go sekasekwa ga ditshweetso tsa Tona
Motho mongwe le mongwe a ka dira boikuelo kwa Kgotlatshekelokgolo go kopa go sekasekwa ga tshweetso ya Tona go ya ka mabaka a Kgaolo e.
Motho a ka dira kopo ya boikuelo fela morago ga malatsi a le 60 tshweetso eo e se na go tsewa.
Kgotlatshekelokgolo, ka boikanyego, e ka dumelela kopo ya go sekasekwa e e dirilweng morago ga nako go ya ka mabaka a karolo e.
Mo godimo ga mabaka mangwe le mangwe a go siamisa maemo a, Kgotlatshekelo e a sekasekang, Kgotlatshekelokgolo e ka ntsha taelo e e beelang thoko maemo mangwe le mangwe a a mamareditsweng mo go kwadisiweng, fa e le gore kgotlatshekelo ga ya itumelela gore maemo ao ga se a a utlwalang le a a tshwanetseng, e ntse e etsetlhoko maikaelelo le maikemisetso a Molao o, maemo a kopo, le mabaka a karolo ya bo 19.
Buka ya direkoto tsa bosetšhaba tsa go kwadisiwa
Tona e tshwanetse go tshola buka ya go kwadisiwa ka mokgwa o o laetseng ya batho botlhe ba ba kwadisitsweng go ya ka mabaka a Molao o kgotsa melao e e tshwanetseng ya diporofense, go akarediwa le bao -
a ba ba fetiseditseng go kwadisiwa ga bona;
b go kwadisiwa ga bona go fetotsweng; kgotsa c ba ba phimotseng go kwadisiwa ga bona.
Mo pakeng ya nako ya malatsi a le 60 kwa bokhutlong jwa ngwaga mongwe le mongwe wa ditshelete, Tona e tshwanetse go phasalatsa mo Kuranteng ya Mmuso le bonnye mo mokgweng o le mongwe wa ditlhaeletsano tse di dirisiwang ke matshutitshuti a batho, rekoto ya bosetšhaba ya go kwadisiwa, e tlhalosa maina a batho botlhe -
a ba ba kwadisitsweng mo letsatsing la bofelo la ngwaga wa ditshelete o o amegang;
b ba go kwadisiwa ga bona go phimotsweng mo ngwageng wa ditshelete o o amegang; le c ba ba ithaopileng go phimola go kwadisiwa kgotsa ba kgwebo ya bona e tswaletsweng kgotsa ba e phatlhaladitsweng mo tsamaong ya ngwaga wa ditshelete o o amegang.
Motho mongwe le mongwe a ka -
a tlhatlhoba khophi ya setifikeiti sa go kwadisiwa se se rebotsweng go ya ka mabaka a Molao o; le b iponna khophi ya sona, fa a duela madi a a laetsweng.
KGAOLO YA BO 4
GO OBAMELA MOLAO O
Maemo a batlhatlhobi
Tona a e ka abela motho mongwe le mongwe dithata tsa go nna motlhatlhobi, ka dithata tsa kakaretso kgotsa tse di kgethegileng go diragatsa dithata tsa mabaka a Molao o; le b e tshwanetse go abela motlhatlhobi mongwe le mongwe setifikeiti ka mokgwa le mo fomong e e laetsweng mo e tlhalosang gore motho wa go nna jalo o tlhomilwe go nna motlhatlhobi.
Setifikeiti se se santseng se na le dithata le se se rebotsweng go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1b se lekane go nna bosupi jwa dithata tsa motlhatlhobi yo leina la gagwe le tlhagelelang mo go sona.
Fa a diragatsa dithata tsa gagwe go ya ka mabaka a Molao o, motlhatlhobi o nna le maemo a motlhankedi yo o tshegetsang kagiso jaaka a tlhalositswe mo karolong ya bo 1 ya Molao o o Kgatlhanong le Bosenyi, wa 1977 Molao wa Nomoro ya bo 51 wa 1977.
Ditiro tsa batlhatlhobi
Motlhatlhobi a ka -
a batlisisa dingongorego tse di tlisitsweng kwa go ena ka mokgwa le mo fomong e e laetsweng; le b go ya ka mabaka a Molao o, kgotsa a molao mongwe le mongwe o o abelang motlhatlhobi dithata tsa go tlhatlhoba -
i go netefatsa, go diragadiwa le go obamelwa ga Molao o kgotsa molao mongwe le mongwe; kgotsa ii go dira tiro ya go tlhatlhoba go ya ka mabaka a Molao o kgotsa a molao oo.
Go ya ka mabaka a dikarolo tsa bo 353, 373 le ya bo 5 le ditshiamelo tsa molao mongwe le mongwe, motlhatlhobi a ka -
a botsolotsa motho mongwe le mongwe yo motlhatlhobi a dumelang gore o na le tshedimosetso e e tshwanetseng go tlhatlhoba ga motlhatlhobi;
b botsolotsa motho mongwe le mongwe yo o mo lefatsheng kgotsa mo setsheng se se tlhatlhobiwang, mabapi le morero mongwe le mongwe o o ka neng o tshwanetse go tlhatlhobiwa;
c tlhatlhoba dikwalo dingwe le dingwe tse -
i go tlhokegang gore motho a nne le tsona go ya ka mabaka a Molao o kgotsa molao mongwe le mongwe o o tshwanetseng; kgotsa ii di ka nnang botlhokwa mo morerong mongwe le mongwe wa bojalwa o o tsamaelanang le tlhatlhobo;
d dira khophi ya dikwalo dingwe le dingwe tse di umakilweng mo temaneng ya c, kgotsa fa go tlhokega, a ka tsaya dikwalo tseo go ya go dira dikhophi tsa tsona;
e tsaya sekai sa motswako mongwe le mongwe o o tshwanetseng mo tlhatlhobong;
f mo mabakeng a go tlhatlhoba, a ka tsaya ditshwantsho kgotsa a gatisa mantswe le ditshwantsho tsa sengwe le sengwe kgotsa motho mongwe le mongwe, tiragalo, dikgato kgotsa maemo a a tshwaraganeng le ditlhatlhobo mo, kgotsa e e mabapi le lefatshe kgotsa setsha sengwe le sengwe; le g dira dilo tsotlhe tse di tlhokegang tsa go dira ditlhatlhobo.
Motlhatlhobi yo o tsayang sengwe le sengwe go tswa mo lefatsheng kgotsa mo setsheng se se tlhatlhobiwang o tshwanetse go -
a rebola resiti ya sona a e neye mong kgotsa motho yo o mo taolong ya setsha seo; le b kwa ntle ga fa e le morero o o tlhalositsweng mo karolwaneng ya bo 1e, o tshwanetse go se busa ka bonako jo bo kgonagalang morago ga go wetsa tiro e se neng se tseelwa go e dira.
Motlhatlhobi a ka patiwa ka nako ya go tlhatlhoba ke tokololo ya Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa le motho mongwe le mongwe yo a leng botlhokwa ka tshwanelo go thusa fa go dirwa ditlhatlhobo.
Go tsena ka tetla ya go tsena
Motlhatlhobi a ka tsena mo setsheng sengwe le sengwe fa magiseterata a rebotse lekwalo le le mo letlang go dira jalo go tsamaelana le karolwana ya bo 2.
Magiseterata a ka rebola tetla ya go tsena le go tlhatlhoba setsha sengwe le sengwe, fa e le gore, go ya ka tshedimosetso e e amogetsweng ka go kwalwa le maikano, Magiseterata o na le lebaka la go dumela gore -
a go tsena le go tlhatlhoba setsha ka mabaka a go bona tshedimosetso go botlhokwa, mo dikgatlhegelong tsa setšhaba, e le tse di ka se keng tsa bonwa kwa ntle ga go tsena mo setsheng seo; kgotsa b Molao ga wa obamelwa ka gope.
Tetla ya go tsena go ya ka mabaka a karolwana ya bo 2 e ka rebolwa nako nngwe le nngwe mme e tshwanetse gore ka totobalo -
a e supe setsha se go tshwanetseng go tsenwa mo go sona le go se tlhatlhoba; le b e abele motlhatlhobi dithata tsa go tsena le go tlhatlhoba setsha seo le go dira sengwe le sengwe se se tlhalositsweng mo karolong ya bo 33.
Tetla ya go tsena go ya ka mabaka a karolwana ya bo 2 e abetswe dithata go fitlhela -
a e diragadiwa;
b e phimolwa ke magiseterata yo a e rebotseng kgotsa, fa a se teng, ke motho yo o abetsweng dithata tse di lekanang le tsa gagwe;
c mabaka a e neng e rebolwa ka ona, a rarabolotswe kgotsa a nyeletse; kgotsa d go setse go fetile malatsi a le 90 fa e sa le tumelelo e rebolwa.
Pele a simolola go tlhatlhoba ka tetla ya go tsena, motlhatlhobi -
a fa mong kgotsa motho yo go dumelwang gore ke ena a laolang setsha, a le teng -
i o tshwanetse a itshupa mo go mong kgotsa mo mothong yo mongwe, le go tlhalosetsa motho yoo dithata tse ditlhatlhobo di dirwang ka tsona, le go supetsa motho yoo setifikeiti sa maemo a motlhatlhobi; le ii go naya motho yoo kgotsa motho yo leina la gagwe le tlhagelelang mo go yona, khophi ya tetla ya go tsena; kgotsa b o tshwanetse go mamaretsa khophi ya tetla ya go tsena mo setsheng mo lefelong le le tshwanetseng le mo e tla bonwang ka botlalo ke mang le mang fa -
i mong a se teng mme go se motho ope yo go ka dumelwang gore ke ena yo o letleletsweng go laola setsha seo; kgotsa ii mong kgotsa motho yo go dumelwang gore ke ena yo o letleletsweng go laola setsha seo, ba gana go amogela khophi .
Go tsena kwa ntle ga tetla ya go tsena
Motlhatlhobi yo a sa rebolelwang tetla ya go tsena a ka -
a tsena le go tlhatlhoba setsha sengwe le sengwe ka tumelelo ya mong kgotsa motho yo go dumelwang gore ke ena yo o letleletsweng go laola lefatshe kgotsa setsha seo; kgotsa b mo tirong ya gagwe ya gale ya tlwaelo, a ka tsena le go tlhatlhoba setsha sengwe la sengwe se se kwadisitsweng -
i e seng go feta makgetlo a le marataro mo pakeng ya nako ya dikgwedi di le 12; kgotsa ii kgapetsa kgapetsa fa a dumeletswe ka molao mongwe le mongwe ka maikaelelo a go dira tiro ya go tlhatlhoba.
Mo godimo ga tetlelelo ya go tsena go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1, motlhatlhobi a ka tsena mo lefatsheng kgotsa mo setsheng sengwe le sengwe kwa ntle ga tetla ya go tsena -
a fa a letleletswe go dira jalo ka molao mongwe le mongwe; kgotsa b ka mabaka a kitsiso e e ntshitsweng mme e ise e diragadiwe go ya ka mabaka a karolo ya bo 38, ka maikaelelo a go netefatsa gore a mabaka a kitsiso eo a diragaditswe.
Pele a simolola go tlhatlhoba mo lefatsheng kgotsa mo setsheng sengwe le sengwe go ya ka mabaka a karolo e, motlhatlhobi o tshwanetse -
a go itshupa mo go mong kgotsa motho mongwe yo go dumelwang gore o letleletswe go laola setsha seo;
b go tlhalosetsa motho wa go nna jalo dithata tseo ka tsona tlhatlhobo e dirwang; le c go supetsa motho wa go nna jalo setifikeiti sa maemo a motlhatlhobi.
Go tsena le go tlhatlhoba kwa ntle ga tetla ya go tsena go ka dirwa fela ka nako ya diura tse di tlwaelegileng tsa tiro.
Go dirisa dikgoka
Motlhatlhobi yo o dirang tiro ya go tlhatlhoba go ya ka mabaka a karolo ya bo 34, a ka ema kgatlhanong le go ganelwa go tsena kgotsa go tlhatlhoba ka go dirisa dikgoka ka mokgwa o o tshwanetseng le fa go tlhokagalang, go akarediwa le go roba dinotlolo, kgoro kgotsa letlhabaphefo tsa lefatshe kgotsa setsha se a tshwanetseng go tsena mo go sona.
Pele a dirisa dikgoka, motho yo o diragatsang tetla ya go tsena o tshwanetse go kopa ka puo ya molomo le go bega maikaelelo a gagwe, kwa ntle ga fa go dumelwa gore ka go dira jalo a ka tlhotlheletsa motho mongwe go senya, go latlha, kgotsa go mekamekana le selo sengwe kgotsa dikwalo tse di ikaeletsweng go tlhatlhobiwa.
Tona e tshwanetse go duela motho mongwe le mongwe yo o senyeditsweng ka ntlha ya go tsena ka kgapeletso ka nako ya go tlhatlhoba fa go ne go se ope yo o rweleng maikarabelo a setsha seo.
Go ya ka mabaka a molao mongwe le mongwe kgotsa ka mabaka a tshoganyetso, ga go a tshwanela go dirisiwa dikgoka go tsena kgotsa go tlhatlhoba go ya ka mabaka a karolo ya bo 35.
Boikarabelo jwa go ntsha dikwalo, go araba dipotso le go thusa motlhatlhobi
Motho mongwe le mongwe yo o tshotseng sekwalwa se se tlhokegang mo tlhatlhobong o tshwanetse go ntsha sekwalwa seo fa a kopiwa ke motlhatlhobi.
Mong kgotsa motho o o nnang mo lefatsheng kgotsa mo setsheng o tshwanetse go thusa ka ditshiamelo dingwe le dingwe tse di tlhakiwang ke motlhatlhobi gore tiro ya gagwe ya go tlhatlhoba e diragale ka katlego.
Pele a botsolotsa motho dipotso go ya ka mabaka a Kgaolo e, motlhatlhobi o tshwanetse go itsise motho wa go nna jalo ditshwanelo tsotlhe tsa molaotheo tse di mo amang.
Motho yo o bodiwang dipotso ke motlhatlhobi go ya ka mabaka a Kgaolo e, o tshwanetse go araba potso nngwe le nngwe ka boammaruri le ka bokgoni jotlhe jo a nang najo.
Karabo kgotsa tlhaloso e e fiwang motlhatlhobi e ka se ke ya dirisiwa kgotsa ya amogelwa gore ke bosupi mo tshekong ya bosenyi kgatlhanong le motho yo a e ntshitseng, kwa ntle ga tsheko kgatlhanong le motho wa go nna jalo mo ditatofatsong tse di ka ga -
a go diragadiwa le go tsaya maikano;
b go ntsha bosupi jo bo fosagetseng; kgotsa c go palelwa ke go araba potso ya semolao ka botlalo le ka boammaruri.
Dikitsiso tse di tshwanetseng go obamelwa
Fa motlhatlhobi a dumela gore tshiamelo nngwe le nngwe go ya ka mabaka a Molao o, kgotsa setifikeiti sa go kwadisiwa, ga di a obamelwa, motlhatlhobi a ka ntsha kitsiso ya gore di obamelwe ka mokgwa o o laetsweng go -
a motho yo o kwadisitsweng; kgotsa b mong wa setsha se se kwadisitsweng kgotsa motho yo go dumelwang gore o filwe tetla ya go laola setsha se se kwadisitsweng.
Kitsiso ya go obamela e e tlhalositsweng go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1 e tshwanetse go tlhalosa -
a ditshiamelo tse go dumelwang gore ga di a obamelwa;
b dintlha tsa mofuta le selekano se go sa obamelwang ka sona;
c dikgato dingwe le dingwe tse di tlhokagalang go tsewa le paka ya nako eo dikgato tseo di tshwanetseng go tsewa mo go yona; le d kotlhao nngwe le nngwe e e tshwanetseng go dirisiwa go ya ka mabaka a Molao o fa dikgato tseo di sa tsewa.
Fa motlhatlhobi a itumeletse gore mabaka a kitsiso a obametswe, motlhatlhobi a ka rebola setifikeiti sa go supa gore a obametswe.
Kitsiso ya go obamela e e tlhalositsweng mo karolong ya bo 1 e tswelela go dira go fitlhela motlhatlhobi a golola setifikeiti sa gore e obametswe se se tlhalositsweng mo karolwaneng ya bo 3 go tsamaelana le kitsiso eo.
Go ngongoregela kitsiso ya go obamela
Motho mongwe le mongwe yo o romeletsweng kitsiso ya go obamela a ka e ngongoregela ka go romela ngongorego ya gagwe kwa go Tona mo pakeng ya nako ya -
a malatsi a le 21 morago ga go amogela kitsiso eo; kgotsa b paka ya nako e telele e e dumelelwang ke Tona ka boikanyego.
Morago ga go sekaseka ngongorego nngwe le nngwe ya mongongoregi le tshedimosetso nngwe le nngwe, Tona e ka netefatsa, ya rulaganya seshwa kgotsa ya phimola kitsiso ya go obamela kgotsa karolo nngwe le nngwe ya kitsiso eo.
Tona e tshwanetse go romela khophi ya kitsiso e e dirilweng go ya ka mabaka a karolwana ya bo 2 go mongongoregi le, fa mongongoregi e se motho yo o kwadisitsweng go ya ka mabaka a Molao o, motho mongwe le mongwe yo o kwadisitsweng yo o amiwang ke kitsiso.
Fa Tona e netefatsa kgotsa e rulaganya sešwa kitsiso kgotsa karolo nngwe le nngwe ya kitsiso, mongongoregi o tshwanetse go obamela kitsiso eo mo pakeng ya nako e e totobaditsweng mo kitsisong eo.
Boikuelo mo ditaelong tsa Tona
Mongongoregi a ka ikuela kwa Kgotlatshekelokgolo kgatlhanong le taelo e e ntshitsweng ke Tona go ya ka mabaka a karolo ya bo 394 mo pakeng ya malatsi a le 21 morago ga go amogela taelo eo.
Taelo e e dirilweng go ya ka mabaka a karolo ya bo 394 e ka beelwa thoko fa go santse go letilwe tshweetso ya boikuelo.
Kwa ntle ga go ikgatholosa karolwana ya bo 1, Kgotlatshekelokgolo e ka dumelela boikuelo jo bo rometsweng morago ga nako ka go supa boikanyego.
KGAOLO YA BO 5
GO TLOLA MELAO LE DIKOTLHAO
Go tlola molao mabapi le batlhatlhobi
Motho ga a tshwanela -
a go ganela motlhatlhobi go tsena mo setsheng se motlhatlhobi a reboletsweng tetla ya go tsena mo go sona;
b go kgoreletsa, go sunya nko kgotsa go paledisa motlhatlhobi yo o diragatsang dithata kgotsa yo o dirang tiro ya gagwe, go dira tiro eo, go ya ka mabaka a Molao o;
c go gana go fa motlhatlhobi dikwalo kgotsa tshedimosetso tse motho wa go nna jalo a gapelediwang semolao go di aba go ya ka mabaka a Molao o;
d go fa motlhatlhobi tshedimosetso e e fosagetseng kgotsa e e timetsang;
e gore e seng ka fa molaong a thibele mong wa lefatshe kgotsa setsha sengwe le sengwe, kgotsa motho yo o direlang mong yoo, gore a se ke a tsena mo lefatsheng kgotsa mo setsheng seo ka maikaelelo a go obamela ditlhokego tsa Molao o;
f go itira gore ke ena motlhatlhobi;
g go tsenya bofora jwa dithata kgotsa tsa tetla ya go tsena, kitsiso ya go obamela kgotsa setifikeiti se se tlhalositsweng mo Kgaolong ya bo 4;
h go palelwa ke go obamela kitsiso e e golotsweng go ya ka mabaka a Kgaolo a bo 4;
i go tsena mo lefatsheng kgotsa setsheng sengwe le sengwe kwa ntle ga tetla ya go tsena mo mabakeng a a tlhokang tetla ya go tsena;
j go tsaya dikgato tse di kgatlhanong le tetla ya go tsena e e golotsweng go ya ka mabaka a Kgaolo ya bo 4;
k gore kwa ntle ga dithata a tsene kgotsa a tlhatlhobe lefatshe kgotsa setsha; kgotsa l a ntshe tshedimosetso e e mabapi le merero ya ditšhelete kgotsa kgwebo tsa motho mongwe le mongwe tse a di kokoantseng fa a diragatsa dithata dingwe le dingwe kgotsa fa a ne a dira tiro nngwe le nngwe go ya ka mabaka a Molao o, kwa ntle ga -
i a di abela motho yo o tlhokang tshedimosetso e ka maikaelelo a go diragatsa dithata kgotsa go dira tiro go ya ka mabaka a Molao o;
ii fa go ntsha tshedimosetso eo go laetswe ke kgotlatshekelo e e nang le bokgoni;
iii fa go ntsha tshedimosetso eo go tsamaelana le ditshiamelo tsa molao mongwe le mongwe .
Go tlola molao wa karolo e ke molato.
Go tlola melao le dikotlhao
Motho mongwe le mongwe yo o tlolang kgotsa yo o palelwang ke go obamela ditshiamelo tsa -
a Karolo ya bo 6, 7, 9, 10, 11, 12, 142 kgotsa ya bo 15 o tla latofalediwa gore o tlotse molao mme fa a bonwa molato a ka otlhaiwa kgotsa a romelwa kwa kgolegelong paka ya nako e e sa feteng dingwaga di le tlhano; kgotsa b Karolo ya bo 8, 13, kgotsa ya bo 14 o tla latofadiwa gore o tlotse molao mme fa a bonwa molato a ka otlhaiwa kgotsa a romelwa kwa kgolegelong paka ya nako e e sa feteng ngwaga o le mongwe.
Go latofatsa batho ba ba kwadisitsweng ka ditatofatso tsa bosenyi
Fa motsamaisi, moemedi kgotsa mothapiwa wa motho yo o kwadisitsweng a dira sengwe kgotsa a ikgatholosa go dira tiro nngwe e e ka bonalang e le go tlola molao, fa e dirwa kgotsa e ikgatholosiwa ke motho yo o kwadisitsweng, motho yo o kwadisitsweng yoo le ena a ka latofalediwa gore o dirile tiro eo kgotsa o ikgatholositse go e dira, fa kgotlatshekelo e itumedisitswe ke gore tiro eo kgotsa go ikgatholosa go dira sengwe, go mo dithateng tsa, kgotsa go thapiwa ga motsamaisi, moemedi kgotsa mothapiwa yo o amegang; le a gore motho yo o kwadisitsweng o ntse le seabe sa go tsietsa kgotsa o dumeletse gore tiragalo eo kgotsa go e ikgatholosa ga motsamaisi, moemedi kgotsa mothapiwa; kgotsa b motho yo o kwadisitsweng ga a tsaya dikgato tsotlhe tse di tshwanetseng go thibela gore tiragalo eo e se ke ya diragala kgotsa go ikgatholosa sengwe.
Mo mabakeng a karolwana ya bo 1, lebaka la gore motho yo o kwadisitsweng o ntshitse ditaelo tse di thibelang tiragalo eo kgotsa go se ikgatholose sengwe, ga se bosupi jo bo tletseng jwa gore go tserwe dikgato tsotlhe tse di tlhokagalang go thibela tiragalo kgotsa go se ikgatholosa sengwe.
Kotlhao ya difaene tsa botsamaisi
Tona e ka laela kotlhao ya difaene tsa botsamaisi fa go tlotswe karolo nngwe le nngwe ya Molao o, go akarediwa go oketsa dikotlhao fa go tlola molao go dirwa kgapetsa kgapetsa.
Fa karolo ya Molao o e tlotswe ke motho yo o kwadisitsweng, e nna go tlola molao ga maemo a go kwadisiwa.
Tona e ka tlhopha gore a -
a e tla kopa Mokaedi wa Botshutshisi jwa Bosetšhaba go sekisa motho yo o kwadisitsweng ka go tlola molao; kgotsa b e tla diragatsa kotlhao ya botsamaisi fa go tlotswe molao wa maemo a go kwadisiwa, fela le gale e ka se di diragatse ka bobedi mo maemong a a tshwanang a le mangwe.
Karolo ya bo 43, fa e buisiwa mmogo le diphetogo tsa botlhokwa tsa diteng, e diragadiwa go tsamaelana le kotlhao nngwe le nngwe e e tsentsweng go ya ka mabaka a karolo e.
Fa Tona e otlhaile motho mongwe le mongwe go ya ka mabaka a karolwana ya bo 3 ka molato mongwe le mongwe go ya ka mabaka a Molao o, motho yoo ga a tshwanela go sekisediwa molato oo.
Motho mongwe le mongwe yo o otlhailweng go ya ka mabaka a karolo e, a ka ikuela kwa Kgotlatshekelokgolo kgatlhanong le tshweetso ya Tona mo pakeng ya nako ya malatsi a le 60 fa go se na go tsewa tshweetso eo.
Kgotlatshekelokgolo e ka dumelela go tsenya kopo ya boikuelo jo bo tlhalositsweng mo karolwaneng ya bo 6 morago ga nako ka go supa boikanyego.
Boikuelo go ya ka mabaka a karolo e bo ka akaretsa go reetsa molato gape gotlhelele le bosupi jo bontshwa ka ga morero o, go sa kgathalesege gore a go bopaki kgotsa tshedimosetso ya tlaleletso kgotsa nnyaya.
Kgotlatshekelokgolo e ka konotelela kotlhao e e tsentsweng ke Tona kgotsa ya ntsha taelo e nngwe e e bonang e tshwanetse.
Go ya ka boikuelo jwa karolowana ya bo 6, boikuelo joo bo beela thoko kgapeletso ya go duela kotlhao eo go fitlhela boikuelo bo reeditswe e bile bo konoseditswe.
Motho mongwe le mongwe yo o gapeletsegang go duela kotlhao go ya ka mabaka a karolo e, o tshwanetse go dira jalo mo pakeng ya nako e e laetsweng, go sa nneng jalo Tona e ka ikuela kwa Kgotlatshekelokgolo gore kotlhao e dirwe ka taelo ya kgotlatshekelo.
Seelo sa madi a kotlhao e e dirilweng ka taelo ya kgotlatshekelo se tla bonwa mo mothong yo o molato yoo go tshwana fela le fa e le madi a bokana ka kotlhao ya melato ya mabaka a baagi ya kgotlatshekelo eo.
KGAOLO YA BO 6
Khansele ya Pholesi ya Bosetšhaba ka ga Bojalwa
Go tlhomiwa ga Khansele
Mo go tlhomiwa Khansele ya Maitlhomo a Maikaelelo a Bosetšhaba ka ga Bojalwa
Go tlhamiwa ga Khansele
Khansele e akaretsa -
a Tona;
b Go tswa kwa Porofenseng nngwe le nngwe, tokololo ya Khuduthamaga e e rweleng boikarabelo jwa go rebola dilaesense tsa bojalwa mo porofenseng eo.
c Mokaedikakaretso, kgotsa modiredi mongwe le mongwe wa lefapha yo a abetsweng dithata ke Mokaedikakaretso; le d tokololo ya setheo sa porofense se se laolang sa Porofense nngwe le nngwe.
Tona ke Modulasetulo wa Khansele.
Ditokololo tse di tlhalositsweng mo dikarolwaneng tsa bo 1c le d ke ditokololo tse di se nang dithata tsa go tlhopha tsa Khansele.
Ditiro tsa Khansele
Khansele ke foramo ya merero e e tshwaraganetsweng ya ditiro tsa magareng ga diMmuso tse di tlhalositsweng mo karolong ya bo 411h ya Molaotheo.
Ditiro tsa Khansele ke -
a go rerisana ka ga -
i dingwao le boleng jwa maemo a bosetsha tsa madirelo a bojalwa;
ii maitlhomo a maikano a bosetšhaba mabapi le madirelo a bojalwa;
iii melao ya bojalwa kgotsa melawana, go akarediwa le go rotloetsa melao e e tshwanang ya bosetšhaba le ya diporofense mabapi le dingwao le boleng jwa maemo a bosetšhaba a bojalwa;
iv morero mongwe le mongwe o o mabapi le madirelo a bojalwa mo magatong a mmuso a bosetšhaba le a diporofense;
v morero mongwe le mongwe o o mabapi le botsamaisi kgotsa go ela tlhoko madirelo a bojalwa mo Rephaboliking, kgotsa go rebola dilaesense kwa porofenseng kgotsa kwa diporofenseng dingwe le dingwe;
vi morero mongwe le mongwe o o ka romelwang kwa go yona ke tokololo ya Khansele;
b go rotloetsa le go atlanegisa dikgolagano tse di edileng magareng ga mebuso mabapi le madirelo a bojalwa; le c go itlhaganedisa go rarabolola dikgotlang magareng ga mebuso mabapi le madirelo a bojalwa.
Tsamaiso
Tona e ka bitsa kopano ya Khansele nako nngwe le nngwe, fela legale e tshwanetse go bitsa dikopano bonnye di le pedi mo ngwageng mongwe le mongwe wa ditshelete.
Tona e ka farologanya kopano nngwe le nngwe ya Khansele go nna kopano ya ditokololo tsotlhe, kgotsa ya ditokololo tse di tlhophang voutang fela.
Tokololo e e se nang dithata tsa go tlhopha e ka supa mongwe fela go tswa mo setheong sa taolo go emela tokololo eo kwa kopanong ya Khansele.
Khansele e ka laletsa batho ba e seng ditokololo go tsenela dikopano tsa Khansele.
Ka e le setheo seo ka sona magato a mmuso wa bosetšhaba le tsa diporofense di lekang go dirisana mmogo ka sona mo mererong e e mosola le boikanyego, Khansele e tshwanetse go leka go fitlhelela ditshweetso tsa yona ka ditherisano.
Fa Khansele e palelwa ke go utlwana mo tshweetsong ya morero o o rileng, e ka dumallana ka go tlhopha semmuso mo tsitsinyong ka ga morero oo.
Tsitsinyo go ya ka mabaka a karolwana ya bo 6 e ka fetisiwa fela fa e engwa nokeng ke -
a Tona; le b bonnye ditokololo tse dingwe tse di tlhophang tsa Khansele di le tlhano.
Go ya ka mabaka a dikarolwana tsa bo 1 le ya bo 7, Khansele e ka itlhamela melawana ya yona ya go itsamaisetsa dikopano.
KGAOLO YA BO 7
MELAWANA LE DIKITSISO
Go ela tlhoko boitekanelo jwa botlhe
Tona, ka go rerisana le tokololo ya Kabinete e e rweleng boikarabelo jwa merero ya boitekanelo, e ka laela diteng tsa, le mokgwa o o tshwanetseng, o dikitsiso tsa boitekanelo jwa botlhe di tshwanetseng go supiwa ka ona mo pontsheng mo -
a ditsheng tse di kwadisitsweng; le b ditsheng tse di kwadisitsweng kgotsa tse di reboletsweng dilaesense ke bothati jwa diporofense go rekisa kgotsa motitiedipotlana jwa bojalwa.
Dithata tsa go phasalatsa melawana le dikitsiso
Mabapi le morero mongwe le mongwe o o amang kgwebo ya go rekisa kgotsa botitiedipotlana jwa bojalwa, Tona ka ditherisano le Khansele ya Maitlhomo a Maikaelelo a Bosetšhaba a Bojalwa e ka tlhama melawana ya go tlhoma dingwao le boleng jwa maemo a a tshwanang mo madirelong a bojalwa go tsamaelana le -
a sebopego le mokgwa o tshedimosetso ya dipalopalo tse bothati jwa diporofense bo tshwanetseng -
i go di kokoanya fa go rebolwa dilaesense kgotsa botitiedipotlana jwa bojalwa; le ii go di romela kwa go Tona; le b sebopego, mokgwa le boikarabelo jwa go romela tshedimosetso e e tsamaelanang kwa go Tona mabapi le ditiro tsa madirelo a bojalwa ka batho ba ba latelang:
i batho ba ba kwadisitsweng;
ii batho ba ba reboletsweng dilaesense kgotsa ba ba kwadisitsweng go ya ka mabaka a molao mongwe le mongwe wa diporofense; le iii motshola setifikeiti sa go reka go tswa kwa mafatsheng a boditšhabatšhaba go ya ka mabaka a karolo ya bo 16 ya Molao wa Dikuno tsa Bojalwa, wa 1989.
Tona ka kitsiso mo Kuranteng ya Mmuso, e ka -
a tlhama melawana e e tlhalositsweng mo karolong ya bo 1 -
i e e goeletsang motswako mongwe le mongwe kgotsa seno se se titietsweng gore ke biri, bojalwa kgotsa bojalwa jwa mabele; kgotsa ii goeletsa motswako mongwe le mongwe o o gamotsweng dilwana tsa tlhago, o o tswakilweng ka melemo, o o tsentsweng tatso kgotsa dipiriti tse di tswakantsweng gore ke dipiriti tse di metheleitilweng;
b tlhama melawana i e e thibelang le go laola go reka go tswa kwa mafatsheng a boditšhabatšhaba, go romela, go tshola, go rekisa, go abela kgotsa go dirisa dipiriti tse di metheleitilweng;
ii e e laelang mefuta ya batho ba ba ka rekisang dipiriti tse di metheleitilweng mo setšhabeng;
iii e e laelang bontsi jwa dipiriti tse di metheleitilweng tse di ka rekisetswang motho mongwe le mongwe le bogolo jwa dituti tse di ka rekisiwang ka tsona; le iv e e laolang le go thibela go reka kgotsa go tshola dipiriti tse di metheleitilweng;
v tlhoma mokgwa wa go rebola tetla ya tumelelo ya go reka kgotsa go tshola dipiriti tse di metheleitilweng;
vi e e mabapi le go rekisa kgotsa go tshola ka maikaelelo a go rekisa metswako e e gamotsweng dilwana tsa tlhago, e e tsentsweng tatso, mmala le go koafatsa mmele wa motho ya dipiriti tse di metheleitilweng; le vii e e laelang sebopego, mokgwa, tlhokomelo le go tshegetsa direkoto kgotsa dikwalo dingwe le dingwe tse di tshwanetseng go bolokwa mabapi le go gweba ka mokgwa mongwe le mongwe a dipiriti tse di metheleitilweng; kgotsa c tlhama melwana mengwe le mengwe -
i e e tlhokagalang kgotsa e e letleletsweng go ya ka mabaka a Molao o; kgotsa ii e e tlhokagalang kgotsa e e rotloetsang go laela ka maikaelelo a go fitlhelela maikaelelo a Molao o.
Mokgwa wa tsamaiso fa go gololwa melawana
Pele Tona e ka tlhama molawana o o tlhalositsweng mo karolong ya bo 50 o o amang thoto kgotsa motho mongwe le mongwe kgotsa setlamo, Tona e tshwanetse -
a go tsaya dikgato tse di tshwanetseng tsa go itsise motho kgotsa setlamo sengwe le sengwe se thoto ya sona kgotsa sona ka nosi se ka amegang ka ntlha ya molawana oo kgotsa kitsiso le go ngoka ditshwaelo go tswa kwa go tsona;
b go phasalatsa molawana kgotsa kitsiso mo Kuranteng ya Mmuso le go ngoka ditshwaelo go tswa mo setshabeng; le c go sekaseka ditshwaelo dingwe le dingwe tse e di amogetseng le ditshikhinyo dingwe le dingwe tse di dirilweng ke Khasenele ya Maitlhomo a Maikaelelo ya Bosetšhaba ka ga Bojalwa.
Fa molawana mongwe le mongwe, kwa ntle ga o o tlhalositsweng mo karolong ya bo 501, o ama porofense, molawana wa mofuta oo, o tshwanetse go bewa fa pele ga Khansele ya Maitlhomo a Maikaelelo ya Bosetšhaba ka ga Bojalwa gore e o sekaseke.
KGAOLO YA BO 8
DITSHIAMELO TSA KAKARETSO
Go lekanyetsa melato
Go ya ka mabaka a karolo ya bo 36 , ga go Puso, kgotsa setheo sengwe le sengwe sa mmuso kgotsa motho yo o diragatsang dithata dingwe le dingwe kgotsa yo o dirang tiro nngwe le nngwe go ya ka mabaka a Molao o, yo o tla latofalediwang go latlhegelwa kgotsa go senyega ka ntlha ya ditiro kgotsa go ikgatholosa go dira sengwe ka go supa boikanyego, fa a diragatsa dithata tsa go nna jalo kgotsa a dira tiro ya go nna jalo.
Go aba dithata
Tona e ka aba dithata dingwe le dingwe, kwa ntle ga dithata tsa go tlhama melawana, go Mokaedikakaretso kgotsa motlhankedi wa lefapha la bosetšhaba le le rweleng boikarabelo jwa merero ya bojalwa yo o supilweng ke Mokaedikakaretso.
Nako nngwe le nngwe, Tona e ka phimola dithata tse e di abileng go ya ka karolwana ya bo 1, mme ya diragatsa dithata tseo ka sebele le ka tlhamalalo.
Fa Tona e aba dithata go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1, motho mongwe le mongwe yo o amang ke tshweetso e e tserweng ke motho yo o abetsweng dithata a ka ikuela kgatlhanong le tshweetso eo kwa go Tona.
Boikuelo jo bo tlhalositsweng mo karolwaneng ya bo 3 bo tshwanetse go romelwa kwa go Tona mo pakeng ya nako ya malatsi a le 30 morago ga fa motho a sena go itsisiwe ka ga tshweetso eo.
Tona e tshwanetse go utlwelela boikuelo joo go tsamaelana le mekgwa e e laetsweng mme e ka sweetsa ka ga jona fela fa e sena go dumelela matlhakore otlhe a a nang le dikgatlhegelo tshono ya go ntsha bosupi jwa ona.
Thulaganyo ya go fetolela le go phimola melao
Melao e e umakilweng mo Mametlelelong ya bo 2 e phimotswe ka selekano se se kailweng mo karolong ya boraro ya Mametlelelo eo.
Mabapi le porofense nngwe le nngwe -
a go phimolwa ga ditshiamelo dingwe le dingwe tsa molao go ya ka mabaka a karolwana ya bo 1 e e tshwaraganeng le kgwebo ya go rekisa kgotsa botitielo potlana jwa bojalwa, go simolola fela fa -
i molao o o tlhalositsweng mo karolong ya bo 5 o simolola go diragadiwa mo porofenseng eo; le ii Moporesidente a goeleditse karolwana ya bo 1 gore e ka diragadiwa kwa Porofenseng eo, ka e diretswe ditshiamelo mo karolong ya bo 562;
b go fitlhela nako e e tlhalositsweng mo temaneng ya ai le ii, maikaelelo a Molao o mo mafokong a "molao o o tshwanetseng wa porofense" a tshwanetse go lejwa e le tshiamelo ya molao o o umakilweng mo temaneng ya a.
Go ya ka mabaka a karolo ya bo 55, ditshiamelo tsa Mametlelelo ya bo 1 di diragadiwa mo go fetoleleng go tswa mo melaong e e phimotsweng go fetolelwa mo Molaong o.
Go fetisetsa dilaesense tse di leng teng
Go sa kgathalesege go phimolwa ga Molao wa Bojalwa, wa 1989 Molao wa Nomoro ya bo 27 wa 1989, laesense e e rebotsweng go ya ka mabaka a Moalo oo, e santse e dira paka ya nako ya malatsi a le 90 morago ga go simolola go dira ga Molao o, fa laesense eo -
a e abetse motitiedi kgotsa mophasalatsi wa bojalwa dithata; le b e ne e ntse e dira pele ga Molao o o simolola go diragadiwa.
Fa paka ya nako e e umakilweng mo karolwaneng ya bo 1 e khutla, laesense e e umakilweng mo karolwaneng eo e fetolela ka gangwe fela le go kwadisiwa go ya ka mabaka a Molao o, e le -
a motitiedi; kgotsa b mophasalatsi;
jaaka go kopile motshola laesense.
Fa motshola laesense wa laesense e e umakilweng mo karolwaneng ya bo 1 le 2 a palelwa ke go dira kopo kwa go Tona jaaka go tlhalositswe mo karolwaneng ya bo 2, go dira ga laesense go tla khutla fa paka ya nako e e beilweng go ya ka karolwana ya bo 1 e khutla, mme ga e fetolele ka gangwe fela jaaka go tlhalositswe mo karolwaneng ya bo 2.
Mo pakeng ya nako ya ngwaga fa Molao o o simolotse go diragadiwa, motho yo laesense ya gagwe e fetoletsweng go ya ka mabaka a karolwana ya bo 2 o tshwanetse go simolola kopo ya gore e sekasekwe ke Tona, ka mokgwa o o laetsweng, ka ga go kwadisiwa ga motho wa go nna jalo go ya ka mabaka a Molao o.
Fa e sekaseka kopo e e tlhalositsweng mo karolwaneng ya bo 4, Tona e tshwanetse go ela tlhoko gore motho yo o kwadisitsweng o ntse a tsweletse ka kgwebo ya gagwe mme e dirise ditshiamelo tsa Kgaolo ya bo 3, fa e buisiwa mmogo le diphetogo tse di tlhokagalang go ya ka diteng.
Setlhogo se se khutshwane le letlha la go simolola
Molao o o bidiwa Molao wa Bojalwa, wa 2003, mme o tla simolola go diragadiwa mo letlheng le le tla sweediwang ke Moporesidente ka kgoeletso mo Kuranteng ya Mmuso.
Moporesidente -
a a ka sweetsa ka ga matlha a a farologaneng a kwa diporofenseng di le mmalwa mabapi le go phimolwa ga melao e e tlhalositsweng mo Karolong ya bo 542a; le b a ka sweetsa ka letlha le le rileng mabapi le porofense e e rileng fela fa Khansele ya Maitlhomo a Maikaelelo a Bosetšhaba ka ga Bojalwa e se na go gakolola Moporesidente gore porofense e e rileng e tlhamile molao o o itumedisang ditlhokego tse di tlhalositsweng mo karolong ya bo 5.
MAMETLELELO YA BO 1
DITSHIAMELO TSA GO FETOLELA
Ditlhaloso
Mabapi le maikaelelo a tshiamelo e -
Molao wa Bojalwa, wa 1989" o tlhalosa Molao wa Bojalwa, wa 1989 (Molao wa Nomoro ya bo 27 wa 1989).
Molao wa Dikuno tsa Bojalwa, wa 1989" o tlhalosa Molao wa Dikuno tsa Bojalwa, wa 1989 (Molao wa Nomoro ya bo 60 wa 1989);
Dikgotlang tsa go fetolela
Fa, mo pakeng ya nako ya pele ga go phimolwa ga melao e e tlhalositsweng mo karolong ya bo 54 (a) mabapi le porofense e e rileng, tshiamelo ya molao o e thulanang le tshiamelo ya Molao o o umakilweng mo Mametlelelong ya bo 2, tshiamelo ya Molao o ke yona e e tla renang go tsamaelana le boleng jwa kgotlang e e tlhageletseng.
Ditshweetso tse di dirilweng go ya ka mabaka a karolo ya bo 51 ya Molao wa Bojalwa, wa 1989
Tshweetso nngwe le nngwe e e tserweng go ya ka mabaka a karolo ya bo 51 ya Molao wa Bojalwa, wa 1989, e khutla go dira mo pakeng ya nako ya dingwaga di le tharo morago ga go simolola go diragadiwa ga Moalo o.
Ditumelelo tse di abilweng go ya ka mabaka a karolo ya bo 158 ya Molao wa Bojalwa, wa 1989
Tumelelo nngwe le nngwe e e rebotsweng go ya ka mabaka a karolo ya bo 158 ya Molao wa Bojalwa, wa 1989, e khutla go dira ka la di 31 tsa Sedimonthole wa ngwaga o o latelang ngwaga o Molao o o simololang go diragadiwa ka ona mme e tla re ka letlha leo wa felelwa ke dithata dingwe le dingwe tsa ona gotlhelele.
Dikopo tsa pele ga go simolola go diragadiwa ga Molao o
Go ya ka ditshiamelo tsa karolwana ya bo , kopo nngwe le nngwe kgotsa morero mongwe le mongwe o o amogetsweng ke Mmuso selegae go ya ka mabaka a Molao wa Bojalwa, wa 1989, pele ga go simolola go diragadiwa ga Molao o mme o sa konosediwa pele ga go simololwa, o tshwanetse go konosediwa ke Mmuso selegae eo go ya ka mabaka a Molao oo.
Bagwebi ba ba mo sekgaleng se se kganetsweng go dikologa setsha
Fa, molao o o tshwanetseng wa diporofense o o tlhalositsweng mo Karolong ya bo 5 o tlhalosa gore sekgala kgotsa setsha sengwe le sengwe se motho kgotsa setlamo se gwebang mo go sona ga se a tshwanela go dira kgwebo ya go rekisa bojalwa, molao wa go nna jalo o tshwanetse go dira ditshiamelo tsa paka ya nako ya go kgabaganyetsa ya bonnye jwa ngwaga eo mo go yona mogwebi mongwe le mongwe yo o rekisang, yoo pele ga go simolola go diragadiwa ga molao oo, a neng a reboletswe laesense ya go rekisa bojalwa mo sekgaleng kgotsa setsha seo, a ka tswelelang go rekisa.
GO PHIMOLA MELAO
Nomoro le ngwaga wa molao
Setlhogo se se khutshwane
Mokgwa o o phimotsweng ka ona
Molao wa Nomoro ya bo 27, wa 1989
Molao wa Bojalwa, wa 1989
Gotlhelele
Molao wa Nomoro ya bo 60, wa 1989
Molao wa Dikuno tsa Bojalwa, wa 1989
Karolo ya bo 32 mabapi le mametlelelo ya yona mo Molaong wa Bojalwa, wa 1989
Molao wa Nomoro ya bo 44, wa 1993
Molao wa Ditlamo tsa Maemelafofane, wa 1993
Karolo ya bo 35
Molao wa Nomoro ya bo 105 wa 1993
Molao o o Mametleletsweng wa Bojalwa, wa 1993
Gotlhelele
Molao wa Nomoro ya bo 57 wa 1995
Molao o o Mametleletsweng wa Bojalwa, wa 1995
Gotlhelele
MOLAOTLHOMO WA BOJALWA, WA 2003
Diteng: DITLHALOSO, MAIKAELELO, GO DIRAGATSA LE GO RANOLA MOLAO
